James 2

Lo seka lwa kgethololana

1Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase?

2Fa motho a tsena mo tlung ya lona ya kobamelo a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo a bile a rwele mehitshana ya gouta e e tlhwatlhwa kgolo mo menwaneng ya gagwe, mme e re fela ka nako eo go bo go tla motho yo mongwe yo o humanegileng a apere makgasa, 3mme lo bo lo amogela mohumi ka matsetseleko a magolo lo mo naya setilo se se ntle ka tlotlo mme lo bo lo raya mohumanegi lo re, “O ka ema fale fa o rata kgotsa wa nna fa fatshe mo bodilong,” jalo he, 4go leba motho ka khumo ya gagwe go supa gore lo tlhotlhelediwa ke megopolo e e bosula.

5Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang. 6Mme le fa go ntse jalo, mo batsamaing ba babedi, lo nyaditse wa mohumanegi. A ga lo lemoge gore bahumi ke bone ba ba tleng ba lo gogele kwa tshekong? 7Gape gantsi thata ke bone ba ba tshegang Jesu Keresete; yo leina la gagwe le le tlotlegang lo bidiwang ka lone.

8Ee ruri, go molemo fa o obamela taolo ya Morena wa rona, e e reng, “O tshwanetse go rata le go thusa bangwe ka wena fela jaaka o ithata ebile o itlhokomela.” 9Mme lo tlola molao o wa Morena wa rona fa lo rekegela bahumi fela ebile lo ba ipelela; ke boleo go dira jalo.

10Mme motho yo o tshegetsang molao mongwe le mongwe wa Modimo, mme a relela go le gonnye, o molato fela jaaka motho yo o tlodileng molao mongwe le mongwe o o leng teng, 11gonne Modimo o o rileng o seka wa nyala mosadi yo o setseng a na le monna, ke one o o rileng o seka wa bolaya, jalo le fa o sa tlola melao ya lonyalo ka go dira boaka, mme o bolaile mongwe, o robile melao ya Modimo gotlhelele, mme ka go dira jalo o molato fa pele ga One.

12O tlaa atlholwa le fa o dira kgotsa o sa dire se Keresete o rileng o se dire. Ke gone ela tlhoko se o se dirang le se o se akanyang; 13gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One.

Tumelo ka ditiro

14Bakaulengwe ba ba rategang, go thusang gore lo re lo na le tumelo ebile lo Bakeresete fa lo sa go supe ka go thusa ba bangwe? A tumelo e e ntseng jalo e ka boloka mongwe? 15Fa o na le tsala e e tlhokang dijo le diaparo, 16o bo o e raya o re, “Go siame, tsamaya sentle Modimo o go segofatse; o thuthafalelwe o bo o kgore,” mme o bo o sa mo fe diaparo kgotsa dijo, moo go thusang?

17Jalo a o a bona, ga go a lekana fela go nna le tumelo. O tshwanetse gape go dira molemo go supa gore o na le yone tumelo. Tumelo e e sa itshupeng ka ditiro tse di molemo ga se tumelo gotlhelele, e sule ebile ga e na mosola.

18Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.”

19A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo! 20Motho ke wena wa seeleele? O tlaa ithuta leng gore “Go dumela” ga gona mosola kwa ntle ga go dira se Modimo o batlang o se dira? Tumelo e e sa ungweng ditiro tse di molemo ga se tumelo ya boammaaruri.

21A ga o gakologelwe gore le rraa rona Aberahame o ne a supiwa a le molemo ka ntlha ya se a se dirileng, jaaka a ne a ineela go obamela Modimo, le fa go ne go raya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo go swa mo sebesong? 22O a bona, o ne a ikanya Modimo mo e leng gore o ne a batla go dira le fa e le eng se Modimo o neng o se mmolelela; tumelo ya gagwe e ne ya felelediwa ke se a neng a se dira, ke ditiro tsa gagwe, ditiro tse di molemo. 23Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.” 24Jalo lo a bona, gore motho o bolokwa ka se a se dirang, le se a se dumelang.

25Rahabe, mosadi wa seaka ke sengwe sa dikai tsa se se buiwang. O ne a bolokwa ka ntlha ya se a neng a se dira ka nako e o neng a fitlha barongwa a bo a ba ngwegisa ka tsela e sele ba bolokesegile. 26Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo.
Copyright information for TsnLEF